Klemen Pisk

poet, writer, translator and musician

Poem in Setswana

Moema ka nosi le phiri

Moema ka nosi a sega tselana kana
motlhala ha batshe mo motlhabeng, mme are:
“O ka nna wa setole tselana ee”.
Go tsweng fo a sega tselana ee kgolokwe go dikologa phiri mme are:
“O tshwanetse wa nna mo kgolokweng ee.
O ka tswa mogo yone, mme hela oseka wa tola tselana ee fagare ga rona”.
Mme seheho satla, tselana ya nyelela.
Phiri ene e eme mo kgolokweng.
Serame le pula dine di e elapisitse, mme ya seka ya suta.
Ene esa itse gore tselana esantse ele teng habatshe,
ha esa thole e sigilwe ha batshe mo motlhabeng.

Translated into Setswana by Lesego Busang

Moikgatholodi le sepharamoseseng

Moikgatholodi a sega tselana mo mothabeng a re:
“O se ralale tselana ee.”
A ralatsa losakana are: “O nne mo losakaneng le.
O ka lo ralala, mme eseng godimo ga tselana ya lone.”
Matsubutsubu a diphefo atla mme tselana ya phemoga.
Mo losakaneng le ga bo go eme monna oo pharamoseseng.
Serame le pula tsa bo di mo apesetse kobo ka letsoba, mme a seka a suta.
A seka a itse fa tselana e ntse e le teng kgotsa jang,
fa ene e sa thole e supegile mo mothabeng.

Translated into Setswana by Rebaone Maradona Moiketsi